Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Ke tenegile mme ke boa

  1. Ke tenegile, mme ke boa
    ka pelo e ‘ phatlogileng.
    Mme ke ntse ke le yo ‘ bokoa,
    ke tletse tse di sokameng.
    Ke leba fela s’fapaanong
    sa ‘ Jesu Kriste yo ‘ ntshwetseng.

  2. Ke itatlhela ‘naong tsa ‘go,
    ke obamela mo pelong;
    ao Jesu, nka tla ka nyelela,
    fa o ntlhoboga mo dibeng.
    Ke bua ke le selelong:
    Se ntatlhe nna yo ‘ maleong!

  3. O kgona go mpusetsa gona,
    kwa boMitshwarelo bo bonwang,
    le go nkgogela kwa go ona
    Modimo o ‘ obamelwang.
    A ko ‘ mphodise mo moweng,
    o nthuse ke tswe mo dibeng.

  4. Mme ke boifa go latlhega,
    fa ke sa ntshiwe melatong;
    o intshwarele dibe tsa me,
    mpofolle yo ke bofilweng!
    O dire bonno mo pelong,
    o mpate go ya phologong.

Leave a Reply

Ke tenegile mme ke boa