Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (1 rating, 1 votes)
Loading...

A ke wena yo o tlang

  1. A ke wena yo o tlang,
    kampo a go tla o sele?
    Tshupo tse ke tsa ga mang,
    tse di boleletsweng pele
    ke bakwadi Beibeleng?
    Ke tsa Kriste lefatsheng!
  2. Bona ba ba sa boneng,
    Jesu o ba bonisitse,
    le digole mo mmeleng
    Jesu o di fodisitse.
    Bona ba ba mo dibeng
    o ba ntshitse molatong.

  3. Bona ba ba sa utlweng
    ba ka utlwa, ba dumela.
    Bona ba ba sa bueng
    ba ka bua, ba opela.
    Mme le ba ba mo losong
    ba boela bophelong.

  4. Le badidi mo moweng
    ba rerelwa Efangele.
    Ena yo o sa kgotšweng
    ke Morena, Mogolodi,
    ke yo ‘ tshegofadiwang,
    ka e le yo ‘ dumelang.

  5. Jesu, Montshi molatong,
    o Moruti yo ‘ molemo.
    Ngaka mo dipobolong,
    o nkalafe ka Lefoko.
    Yo o go atamelang
    o tla tshegofala jang!

  6. Ke go utlwa Beibeleng,
    kea dumela, go tlhomame
    tsotlhe tse di kwadilweng
    ka ga gago, Jesu wa me.
    O ntshwatotse mo dibeng,
    ka o tsile lefatsheng.

Leave a Reply

A

A ke wena yo o tlang