-
Jaanong ke thanya borokong
go baka Jesu Kriste Mong.
Lorato Iwa ‘gwe lo ntse jang!
Ke lo lo re gakgamatsang. -
O ne a mpona botlhokong,
a nthusa ke le tlalelong.
Tsalano ya ‘gwe e ntse jang!
Ke e e re gakgamatsang. -
Ka ke agile mo direng
tse di nkgogelang mo dibeng,
ke ene yo ‘ di mphenyetsang
ka thata e ‘ gakgamatsang. -
Mme le fa ke le poifong,
ke ene yo o nkgomotsang;
o mpata fa ke tsamayang.
Kethuso e ‘ gakgamatsang: -
Ke ene yo o nkwatlhayang,
o batla, ke tswe maleong.
Ke ene yo ‘ mpabalelang
ka tiso e ‘ gakgamatsang. -
Ke tla akofa ke ya teng
go Jesu wa me legaeng;
ke gona ke tla tumisang
lorato lo ‘ gakgamatsang. tlalelong.
Tsalano ya ‘gwe e ntse jang!
Ke e e re gakgamatsang.
Jaanong ke thanya borokong
