Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (5 rating, 1 votes)
Loading...

Jesu kea go dumedisa

  1. Jesu, kea go dumedisa,
    yo o tlang mo lefatsheng!
    Yo ‘ ganang go go tumisa
    ga se yo o go ratang.
    Nna, pelong ke a go rata,
    ke ntse ke go batla thata.
    Jesu wa me tumelong,
    ke wa gago loratong.

  2. Ga o tshwane le dikgosi
    tsa ditšhaba lefatsheng,
    kaM e le wena Mopholosi
    yo o re humisitseng.
    Rona re go leofetse,
    wena o re itshwaretse.
    Jesu wa me tumelong,
    ke wa gago loratong.

  3. Khumanego yotlhe ya ‘go,
    ao, e nkhumisitse jang!
    Jalo ruri ke wa gago
    ke le yo ‘ go ikanyang.
    Ke a tlhoka, o tla nnaya
    khumo yotlhe ya pholoso.
    Jesu wa me tumelong,
    ke wa gago loratong.

  4. Le fa batho ba go gana,
    ke go tshwara mo pelong;
    ga re kitla re kgaogana,
    re kopantswe loratong.
    Jesu, ke tla go phelela,
    gore ke swe, ke na nao!
    Jesu wa me tumelong,
    ke wa gago loratong.

  5. Le fa batho ba go kgala,
    ba go nyatsa lefatsheng,
    ke tla leka ka tlhoafalo
    go goroga ‘godimong.
    Ke tla bona teng kabelo
    ya serwalo sa bophelo.
    Jesu wa me tumelong,
    ke wa gago loratong.

  6. Jaanong kgoro e atlhame,
    tsena, Jesu, mo pelong!
    Ga o ka ke wa ntlhobosa,
    ruri, o tla tsena teng.
    Tlosa dibe tsotlhe tsa me,
    ke tle ke go bake jaana:
    Jesu wa me tumelong,
    ke wa gago loratong.

Leave a Reply

Jesu kea go dumedisa