Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (17 rating, 6 votes)
Loading...

Ao baakanyang dipelo

  1. Ao, baakanyang dipelo
    tsa lona ka kwa teng,
    ikwatlhaeng lo boe
    dibeng le timelong!
    Ke mang ne yo o tlang?
    Ke Kgosi, Mopholosi!
    Ke ene Jesu Kriste
    yo o re gololang.

  2. Lo siamise tsela
    e o e tsamayang.
    Iketleetseng lo tshole
    Morena tumelong.
    Tlosang megopolong
    makgapha, oa a ila,
    lo mmaakanyetse mmila,
    a tsene dipelong.

  3. Fa lo ikokobetsa
    lo ratwa Modimong;
    mme fa lo ikgodisa,
    lo wela tatlhegong.
    Mme yo o mo nneteng,
    a gogwa ke Modimo,
    o ipaakanya pelo,
    go tsena Kriste teng.

  4. Johane o tlhabile
    mokgosi mo therong
    a re, go latlhegile
    yo o sa mo utlweng.
    A rera sekakeng,
    a bitsa batho botlhe,
    a ba supetsa Kwana
    e e ba ntshang dibeng.

  5. Nna ke tlhomoIa pelo,
    ga ke yo ‘ tshwanetseng;
    Morena, ntlhabolose,
    ke nne yo ‘ nyorilweng;
    o tsene mo pelong,
    ka wena o ntsaletswe,
    e bile o mpogetse,
    ke nne yo o phelang.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

A

Ao baakanyang dipelo