Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

A go bakiwe phuthegong

  1. A go bakiwe phuthegong
    Rara wa boitshwareIo,
    Modimo o ‘ legodimong,
    o ‘ re fileng bophelo!
    Ke ona o ‘ re nametsang,
    ke ona o ‘ re fenyisang.
    Nayang Modimo tlotlo!

  2. O bakwa mo baengeleng,
    ke Kgosi ya dikgosi.
    Le botlhe ba ba lefatsheng
    a ba o bake osi,
    Modimo o o re fileng
    masego otlhe a a teng.
    Nayang Modimo tlotlo!

  3. Tse Rara o di tlhodileng
    o tla di tlhokomela,
    o di femela mo direng,
    o be o di tlamela.
    Pusong ya gagwe lefatsheng
    re bona tshiamiso teng.
    Nayang Modimo tlotlo!

  4. Ke o biditse tatlhegong:
    “Morena, se ntlogele!”
    Ke bonye thuso tlalelong,
    kgomotso ga e fele.
    Ke ka ntlha M’a moo ke lebogang
    Modimo o o re ratang.
    Nayang Modimo tlotlo!

  5. Modimo o o sa khutleng
    ga o re hularele;
    ke botshabelo mo direng,
    poloko rea e newa.
    Fa re tshwenyega botshelong,
    o re gogela kagisong.
    Nayang Modimo tlotlo!

  6. Jaanong le ka bosakhutleng
    ke tla o baka thata.
    Ke tla o tlotla difeleng
    metlheng e ya go phela.
    Le wena o nne tumelong,
    o duduetse phuthegong!
    Nayang Modimo tlotlo!

  7. Mme ba lo itseng Jesu Mong,
    nayang Modimo tlotlo!
    Ka lo dumela Modimong,
    nayang Modimo tlotlo!
    Medimo yotlhe e latlheng,
    lo e fapoge lonyatsong.
    Nayang Modimo tlotlo!

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

A

A go bakiwe phuthegong