-
Ke fitlhisitswe nakong e
ke Rara wa lorato;
mme o kganetse tsotlhe tse,
tse di ka nnang molato.
Lesego lotlhe mo moweng,
boMitekanelo mo mmeleng,
o di nkabetse tsotlhe. -
Ke go tumisa mo bathong,
ke go leboga thata,
Mothusi wa me bophelong,
ka o ntse o re rata.
Ke lebogela ‘rato loo
le boikanyo jotlhe joo.
Ka nnete o nthusitse. -
Kea go rapela, Jesu Mong,
a o ko o tswelele
go ntshegofatsa botshelong,
ke tle ke go tshelele.
Mme fa ke tsena botlhokong,
ditlalelong le mo losong,
le gona moo o nthuse.
Ke fitlhisitswe nakong e
