Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Tsogang lo lebogeng

  1. Tsogang lo lebogeng
    ka ‘pelo le diatla
    Modimo o ‘ dirang
    ditiro tsa bonatla,
    tse re di diretsweng
    ke one lefatsheng,
    metlheng e ‘ fetileng
    le yona e ‘ leng teng.

  2. Modimo, o o leng
    Mohumi wa bophelo,
    re nee mo lefatsheng
    kagiso le ipelo;
    tlhomamo tumelong
    go ya le kwa losong;
    o re ntshe ‘tlalelong
    tse tsotlhe botshelong.

  3. Ka moo a re bakeng
    Modimo wa mannete,
    o o itshenotseng
    Rara, Morwa le Mowa.
    Ke o o phedileng
    metlheng e ‘ fetileng;
    mme o ntse o le teng
    le ka bosakhutleng.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Tsogang lo lebogeng