Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Tsoga wena mowa wa ka

  1. Tsoga, wena mowa wa ka,
    tsena kwa legodimong!
    Baka yo e leng Morena,
    yo o leng kgalalelong!
    Tsoga, mowa, o opele,
    o nne o di lebogele
    tse dintsintsi botshelong
    tse a di go diretseng.

  2. Rara, tshegofatso ya ‘go
    e fetela mo bathong.
    O nthusitse ka ditsaago,
    wa nkgomotsa mo pelong.
    Le fa ke ne ke tlaletswe,
    o ne o ntse o na le nna.
    A go bakwe phuthegong
    Rara yo ‘ ikanyegang.

  3. Jesu Krisete, Morena,
    oM inneeletse mo losong.
    BoMitshwarelo ke bo bonye
    mo go wena tumelong.
    Pelo ya me ke boago,
    bonno le Tempele ya ‘go.
    A go bakwe phuthegong
    Jesu yo ‘ re golotseng!

  4. Mowa o o Boitshepo,
    ‘neo tse o di nnayang
    di gaisa dilo tsotlhe;
    o re tsenya leseding
    la go itse Jesu sentle,
    ka go bitsa “Abba, Rara”.
    A go bakwe phuthegong
    Mowa o o tshedisang.

  5. A batshedi ba ba gone
    ‘godimong le lefatsheng
    ba opelle Mong wa bone
    ‘pako tse di tshwanetseng.
    A ba boke, a ba tlotle,
    ba direle ene gotlhe.
    A go bakwe phuthegong
    Mmusi yo o tlotlegang!

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Tsoga wena mowa wa ka