-
Tlaang lo mpuleleng mojako,
ke yo ‘ tsenang mo kerkeng
gore ke nne teng ka pako
le lethabo mo pelong;
gonne go Modimo teng,
o nkgomotsa mo moweng. -
Mong, ke tsile kwa go wena,
wena tla go nna kerkeng!
Fa o na le nna, Morena,
ke yo o tshegofetseng.
Tlaa o tsene mo pelong,
o nkgogele tumelong. -
Nthusa, ke go atamele
ke le yo ‘ go boifang.
Tshola kopo le difela
tse ke di go supelang.
Bula tsebe mo kutlong,
tsenya pelo ‘godimong. -
Rumafatsa pelo ya me,
fa o jwala peo teng;
sedifatsa tlhaloganyo,
nnaya tse di tlhomameng;
ke nne yo ‘ go ungwelang
tsona tse o di batlang. -
Tiisa neo ya tumelo,
yona e o e mphileng;
e godise, e femele,
e nne e e tlhomameng;
a e nkgoge mo tseleng,
e nkgorose legaeng. -
Bua, Kgosi, ke tla utlwa,
nthome, ka fa o ratang;
a ke se kgorelediwe
go nwa metsi motsweding,
go ja senkgwe Lefokong
la kgomotso tlalelong. -
Jesu wa me, bula kgoro,
o mphudise mafulong.
Mmana wa ‘go o nkgorise,
nkise kwa legodimong.
Kwano go tlalelo jang!
Koo go tse di thabisang.
Tlaang lo mpuleleng mojako
