-
Tlaa, Motswedi wa masego;
gonne nna ke latlhegile.
O nkutlwise nametsego
ka Lefoko mo pelong. -
Jesu, ke a go rapela,
a ko ‘ nthuse go opela
ka dipsalme le difela
tsa baagi leseding. -
O nne le nna mo ‘ntlheng tsotlhe
le kwa ke yang teng ka gale;
ke tla go ikanya gotlhe,
ke tla fitlha kwa o teng. -
Timelong a ko o mpatle,
Jesu, o se ka wa ntatlha.
Ntsamaise, ke sepele
mo tseleng e ‘ siameng. -
A ke se go leofele,
wena Jesu yo ‘ lorato,
yo o nthatileng le batho
botlhe mono lefatsheng. 6Jesu yo ‘ swetseng lefatshe,
o re tlhogonolofatse,
o be o re tshegofatse,
o re ise botshelong.
Tlaa Motswedi wa masego
