-
Sontaga o fetile;
kajeno ke utlwile
tse ke di batlileng.
Modimo o nthutile,
o bile o nneile
lesego le le tswang ‘Fokong. -
Morena o agile
mo go nna ka Lefoko
le ke le utlwileng.
Ke kgona go robala,
ka Jesu a tlositse
melato yotlhe e ‘ ntshosang. -
Ke setse ke fodile,
ka ke le Tempel ya ‘go,
Modimo borarong.
Lesedi ke le tshotse,
ka wenao ntekotse,
wa mphalodisa lefifing. -
Matshwenyo a ga Satan
ga ke a tshoge thata,
le fa a ntwantsha jang.
A loso lo ka ntshosa?
Nnyaa, Jesu a ntlhapisa
maleo a a tshabegang. -
Ke tla ya go robala,
mme wena o tla ntisa
bosigo borokong.
Ka wena ke tla bona
Sontag yo mongwe gona
kwa pele kwa legodimong. -
Ke tla lapolosiwa,
mme Jesu o tla ntsosa,
ke mmona kwa a teng;
foo ke tla duduetsa,
ke be ke galaletsa
leina la ‘gwe lethabong.
Sontaga o fetile
