-
Rara, re bolokele
dithuto phuthegong.
A batho ba dumele,
ba ate mo palong.
Tumelo a e gole,
e eme Lefokong;
le rona re le tshole
go tia dipelong. -
Boloka tlotlo ya ‘go
mo ‘ ba ba go ganneng,
mme tsona dira tsa ‘go
di fenye Iefatsheng,
gore di tlhabologe
le go tswa lefifing;
di be di go ineele,
Morena, leseding. -
Boloka rona rotlhe,
ba o re rekileng,
le kerke ya ‘go yotlhe,
e o e agileng.
Satan o leka thata
go senya lefatsheng;
Morena, o tswelele
go re femela teng. -
Boloka letsomane,
Modisa yo ‘ disang.
O thata, ka gobane
o fentse yo ‘ senyang.
Mme ga go teng mothusi
yo ‘ ka le bolokang,
fa e se wena Mmusi
yo ‘ le tlhabaneIang. -
Boloka boswa jwa ‘go,
jo bo itshepileng;
o fenye le go tlosa
tse di sa go kgatlheng.
Re goge ka Lefoko
la gago mo tseleng;
khutlisa le tatlhego
e e tswang mo dibeng. -
Boloka Efangele
ya gago phuthegong,
o re bonise rotlhe
ba re leng mo bontshong.
Tlaa o re lapolose
ka yona lenyoreng,
o be o re pholose
ka yona maketeng. -
Boloka badumedi
mo dipitlaganong,
o be o ba femele,
fa ba le thaelong.
Mme fa ba ka tlhoboga,
ba tlise tlhabanong.
Re thuse go goroga
koo, kwa legodimong.
Rara re bolokele
