Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Phuthego e humile thata

  1. Phuthego e humile thata
    e e phelang mo Lefokong;
    e ‘ dirisang le kolobetso
    le go jesiwa Selallong
    ka Mowa o o phedisang,
    ka one o o re tiisang.
  2. Mme a tatlhego wee ya motse
    o o phelang mo lonyatsang!
    Kwa ‘Foko le tlhokang bautlwi,
    ba kgotshe tse di lefatsheng.
    Ke motse o ‘ ka tshwantshiwang
    le ‘sope le le tshabegang.

3 Gomotsegang, lebang Jakobe,
a bona Bethel sekakeng;
bakriste ba ntlha ba phuthega
fa kae ba le baheitaneng?
Ba kgobokana dikgageng,
ba utlwa Efangele teng.

  1. Ka moo ga go re belaetse,
    go teng Modimo gona fa;
    fa rona re utlwang Lefoko,
    o itirela kerke teng.
    Le fa re ‘ bannye mo palong
    o tla re leba loratong.

  2. Le fa re kgobokana fano;
    go bantsi ba ba dumelang;
    le fa re sa ba bone mono,
    re bongwefela Moreneng.
    Lefoko le ‘ re phedisang,
    le bone ke ba ‘ Ie utlwang.

  3. Morena, o re tshegofatse,
    fitlhisa ‘Foko dipelong;
    fa re abelwa Selalelo,
    a re se tshole tumelong!
    Re boe re le lethabong,
    re go phelele bophelong.

  4. Re tlhomamise mo go ona
    motheo o o thailweng;
    ke wena Jesu Krist’, Morena,
    o sele ruri ga o teng.
    Re tlhomamise boikanyong,
    fa go le ba ‘ re bogisang.

  5. Morena, re a go rapela,
    o nne le rona dipelong;
    a tsone e nne Tempel ya ‘go,
    re hume jalo bophelong,
    go ya re fitlhe Tempeleng
    legodimong kwa Moreneng.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Phuthego e humile thata