Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Opela pelo ya me

  1. Opela, pelo ya me,
    opela lobokong;
    o boke Molaodi
    yo o legodimong.
    Ke tla mo opelela
    ke le mo lefatsheng,
    ke mmaka ka difela
    ke le boitumelong.

  2. Ke sego, fa ke itse
    kwa thuso e tswang teng
    Jakobe o e bonye,
    e tlhaga Modimong.
    Yo ‘ ineetseng Morena
    ke yo o humileng;
    o phologile mono
    le kwa bosakhutleng.

  3. Mong wa dithata tsotlhe
    ke yo o dirileng
    ka tlhaloganyo tota,
    ga go se ‘ tlhaelang:
    Lefatshe, legodimo,
    tse tsotlhe tse di teng,
    bontsintsi jwa ditlhapi
    metsing mo mawatleng.

  4. Ene o ikanyega
    go ba ba dumelang;
    ga a tlhokomologe
    yo o mo rapelang.
    E bile o femela
    ba ba gatelelwang.
    Lefoko le tlhomame
    le a le buileng.

  5. O na le mekgwa ‘ mentsi
    go golla mo losong.
    O otla le go jesa,
    fa re le mo tlaleng.
    Le fa go se kotulo,
    re ba ba tla kgorang;
    ka tshegofatso ya ‘gwe
    re tla tswa tlalelong.

  6. Morena ke lesedi
    la ba ba foufetseng.
    O thusa le balwetsi,
    ke yo ‘ ba fodisang.
    O rata badumedi
    ba ba mo ikanyang;
    ba mo fitlhela e le
    Tsala e’ gaisang.

  7. Batlholagadi botlhe
    ba ba mo rapelang,
    le tsona dikhutsana,
    ke yo ‘ di agelang.
    O ipusolosetsa
    go ba ba mo ilang.
    O ba thubela matlo,
    mo ba agileng teng.

  8. Nna, ka ke le lerole,
    ke ka go boka jang?
    O Kgosi ya dikgosi,
    ke tshwana le bojang.
    Mme ka o intshenketse
    go nna mo phuthegong,
    ke tla godisa leina
    la gago mo bathong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Opela pelo ya me