-
O se diege, sokologa,
akofa o ye phologong!
Kajeno Mowa o go goga
ka lentswe le le mo ‘Kwalong.
Se nyatse lentswe le le reng:
Tlhabologang, tswang mo dibeng! -
Malatsi a ‘go a tla fela
ka loso lo lo go tsomang.
Morago o ya go atlholwa
ke Jesu Kriste yo o tlang.
Ka motlha o o tla dirang?
Tshaba bogale jo bo tlang! -
Fa dibe o sa di tlhabantshe,
di tla ntsifala botshelong.
Ke ‘noga tse di tsalang bana,
ke tse di tla go bolayang.
O di tsogele kgatlhanong,
go di bolaya mo pelong. -
Kajeno go sa le sebaka,
ao, tlhabologa, yo ‘ sentseng!
O se diege, tsaya tšhaka,
o reme Satan yo ‘ tshwenyang,
mme utlwa Jesu yo ‘ bitsang,
yo o ka go falodisang. -
O se re, ke tla tlhabologa
isago, mme e seng jaanong.
Ka yona puo e o loga
leano le ‘ tsenyang mollong.
Isago o ka nna losong,
wa tsena fela mo petsong. -
Mme batla thuso go Morena,
o gaMufi nao Lefokong.
Mo utlwe, o rapele ena,
o tla go golla molatong.
O se diege maleong,
mme tswaa o tsene phologong.
O se diege sokologa
