Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (2 rating, 1 votes)
Loading...

Morwa-mmotlana ao bonang

  1. Morwa-mmotlana, ao bonang,
    o na a senya thata jang!
    A latlha rraagwe boikgantshong,
    a ineelela boleong.

  2. A senya boswa ditšhabeng,
    mme foo a tsena lehumeng;
    mme ya re a le tatlhegong,
    a bua jaana mo pelong:

  3. Ke latlhegile! Ke yo ‘ swang
    ka tlala e e tshabegang!
    Etswe batlhanka legaeng
    ba na le dijo ‘ dintsi teng.

  4. Ke tla boela kwa rareng,
    mme ke mo wela mangoleng;
    ke tla inyatsa mo pelong,
    ka ke le yo ‘ ikepileng.

  5. Ke tla re: Ntate yo ‘ nthatang,
    ke fano, yo ‘ go tlogetseng,
    mme ke tlhabiwa ke ditlhong.
    A ke nne batlhankeng lapeng.

  6. Jaanong a boa leetong,
    a hutsafetse mo pelong.
    Mme rraagwe yo ‘ sa lebaleng
    a mo kgatlhantsha mo tseleng:

  7. Mme ngwana a boIela teng,
    fa a le yo ‘ sa tshwanelang;
    mme rraagwe a nna boipelong,
    aitshwarela yo o llang.

  8. A atla yo ‘ ikwatlhayang,
    a ba a tlhaba e ‘ nonneng;
    a mo apesa mo mmeleng
    diMaparo tse di tshwanetseng.

  9. A baM a re: A re ipeleng!
    Morwaake yo ‘ gorogileng,
    ke yo o neng a le losong,
    mme o boetse bophelong!

  10. Rraarona ga se yo ‘ latlhang
    bomorwa ba ba timetseng;
    fa ba tla ba le maketeng,
    a ba busetse bongwaneng!

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Morwa-mmotlana ao bonang