-
Morena wa tlotlego,
ke tla go tshola jang?
Ke go tlhologeletswe
le bontsi mo bathong.
Ao Jesu, mponegele
ka ‘sedi mo pelong,
ke tle ke itse sentle
se se go thabisang. -
Ba Sion ba gasitse
dipalme mo tseleng;
mme nna ke tsisa pako
e e tswang mo pelong.
Dipelo di a bina
pakong le tumisong,
di a go kgomarela
ka gale tumelong. -
Re ne re tshela fela
re le khutsafalong.
Re ne re tlhoka puso
e ‘ ka re phedisang.
O tsile ka tse tsotlhe
tse di ka re thusang,
go dirafatsa tsotlhe
tse di re thabisang. -
O tsile go nkgolola
ke le mo dikgoleng;
o tsile go ntshwatola
dibeng le mo kgaleng.
Ka nnete o nkabela
dikhumo tumelong;
di ka se ka tsa fela
jaaka tse di ‘fatsheng. -
O tsile ka bonolo
kwa go nna lefatsheng,
ka’rato lo logolo,
lo lo re lebanyeng
le bone batho botlhe
ba ba matshwenyegong
le maketeng a otlhe,
go re ntsha tatlhegong. -
Mme lona ba matlhoko,
ba lo hutsafetseng,
se lebaleng Lefoko,
lo se itlhobogeng.
Morena wa kgomotso
o eme fa kgorong,
o tla lo lapolosa,
a nna le lona fa. -
Le fa lo itapisa
jaanong le bosigong,
ga lo na go mo tsisa
ka thata mabogong.
O tla tla ka boene,
a tletse mo pelong
lorato lo logolo,
lo lo ntshang poifong. -
Go lalediwa lona
ba lo reregileng
go tla go itshwarelwa
tse lo di diriIeng.
Itseng, o tla lo tlela
pholoso e ‘ tletseng;
e bile o fa boswa
ba ba mo ikanyang. -
Lo se ka lwa ba reetsa
ba ba lo rogakang.
Morena o falatsa
ba ba mo nyaditseng.
O tla tla e le Kgosi
e ‘ thata mo tshekong,
go fenya baba botlhe
ba ba mo ganetsang. -
O tla tla go atlhola
ba ba mo latlhileng.
O tla tla go agisa
ba ba mo ratileng.
Ao Jesu, Jesu, tlaya,
o re ntshe tshepelong,
re fitlhe kwa go wena,
kwa boitumelong.
Morena wa tlotlego
