Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Morena o se mpetse

  1. Morena, o se mpetse,
    yo ke leofileng!
    Fa nka ikanya batho,
    ke yo ‘ latlhegileng.
    Morena, intshwarele
    tse ke di dirileng!
    O nthuse, ke se swele
    dibeng, yo ke sentseng.

  2. Morena, o mphodise
    bolwetse marapong;
    ka gonne bo nkutlwisa
    botlhoko mo pelong.
    Marapo aa remega,
    ke yo o boifang,
    mme pelo e nyemile:
    O tlaM intshwarela leng?

  3. Ee, ke nyemile moko
    ka ntlhaM a phegelo e.
    Ke tlhoka le boroko,
    ke lora dibe tse.
    Ke tshela ‘kobo tsa me
    ‘keledi bosigong;
    le mmele otlhe wa me
    o mo khutsafalong.

  4. Hee! basiamolodi,
    tlogang fa, lo nteseng!
    Ke bonye Mogolodi,
    o nthusa mo moweng.
    Jehofa o utlwile
    dilelo thapelong;
    ‘keledi di kgadile,
    ke boitumelong.

  5. A go tlotliwe gona
    kwa godimodimong
    Rara le Morwaa-ona
    le Mowa boitshepong!
    Jaanong ka ke sa phela,
    Ie ka bosakhutleng
    ke tla nna ke opela
    dipako difeleng.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Morena o se mpetse