Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Modimo Rra

  1. Modimo Rra,
    goM imetswe nna
    ke dibe tsa me tsotlhe!
    Yo ‘ nkimollang
    ke mmona kae
    lefatsheng leno lotlhe?

  2. Ke tshabelang
    ‘felafeleng
    dintlheng tsa ‘fatshe lotlhe?
    Nka bona mang
    yo ‘ ka nthusang
    gore ke itshwarelwe?

  3. Ke Ieba mang,
    ke ka dirang,
    fa e se go rapela?
    Ke tla ya kae
    le kwa go mang?
    Ke tla ya kwa go Ntate.

  4. Mono ‘fatsheng
    o mpetse teng,
    fa go batlega jalo.
    Mme bofelong,
    teng mo tshekong
    a ko o nthekegele!

  5. Mo lefatsheng
    ntirele teng
    ka fa thatong ya gago;
    mme bofelong,
    bosakhutleng
    se kgaogane le nna!

  6. Mo tlalelong
    le sefakong
    ‘nonyane di tshabela
    kwa ditlhareng
    le dikgageng,
    di batla tshireletso.

  7. Le nna ke yo
    o tshabelang
    go Jesu go femelwa;
    yo o ntshwetseng,
    yo ‘ ntsogetseng
    o tla mpha boitshwarelo.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Modimo Rra