-
Le fa ke sa ntse ke tlhoka
ke tshwengwa ke tse dintsi
e bile ke se na thata
ya go fenya ka bonna,
ke tla tlhoafalla ena
Mogolodi wa me yo.
Le kajeno kea moM ikanya
gonne ke yo o ntshwetseng. -
Fa ke na le Jesu Kriste
ga ke tlhoke mo ‘fatsheng.
Fa Mothusi a le gona
ga ke boife go swa.
Gonne ka ena ke fenya
maleo le Satane,
gonne ka ena ke bona
boswa jo bo sa khutleng. -
Ee ka pelo ya me yotlhe,
ke leboga ‘rato lo
lo tshwanetsweng ka ntlha ya me,
gore ke tle ke phele.
Ee Morena kea leboga,
ka ntlha ya lorato lo.
A ko o nkise go wena
ke tle ke go tumise.
Le fa ke sa ntse ke tlhoka
