Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Kgosi ya mannete

  1. Kgosi ya mannete,
    Mmusi wa ba botlhe,
    tshola pako mo go rotlhe.
    O bopelotelle,
    ga oa re tlogela,
    le fa re ne ra timela.
    Utlwa tlhe,
    se re nnyaa,
    fa re obamela,
    fa re go rapela.

  2. Wena legodimo,
    baka o mo tlotle
    le ditiro tsa ‘gwe tsotlhe!
    Baka, wena ‘tsatsi
    baka, wena ngwedi!
    Bakang, lona dinaledi!
    Godisang,
    tumisang
    Mmusi yo mogolo,
    Kgosi e ‘ bonolo!

  3. Wena pelo ya me,
    baka o opele
    ka dipsalme le difela.
    Ba lo nang le mowa
    lo tumise mmogo,
    mo lebeng ka nametsego!
    Ga go teng,
    yo e leng
    Kgosi jaaka ene,
    Mmusi le Morena.

  4. Tlaang ka Haleluya,
    lona ba Morena,
    ka lo solofela ena.
    Tlaang ka Haleluya,
    lona ba ga Kriste,
    lo itshupe ka bonnete!
    Opelang,
    lebogang
    jaanong le ka gale
    ka bopelokgale!

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Kgosi ya mannete