-
Ke motho wa maleo fela,
nka leba jang legodimong!
Modimo wa me, o nkutlwele
botlhoko, yo ke maleong.
O se nkatlhole bogaleng,
o intshwarele mo Kristeng. -
Ke yo ke boifang gagolo,
ke wetse gotlhe mo dibeng.
Molato wa me o mogolo,
o nkgateletse leroleng.
O se nkatlhole bogaleng,
o intshwarele mo Kristeng. -
Modimo Rara, a ko ‘ nkutlwe,
fa ke go bitsa thapelong;
tatlhego ya me a e khutle,
o nthuse, ke tswe maleong!
O se nkatlhole bogaleng,
o intshwarele mo Kristeng. -
Ke go biditse ka boleele,
a ga o nkutlwe botlhokong?
O nthuse, ke se tlhaeletse
lefela kwa Iegodimong!
O se nkatlhole bogaleng,
o intshwarele mo Kristeng. -
Ka nnete, ke mofosatsela,
ga go na yo o ka nthusang,
fa e se wena, wena fela,
ke ka moo ke go rapelang:
O se nkatlhole bogaleng,
o intshwarele mo Kristeng. -
Modimo wa me, se mpusetse
ka fa ke dirileng ka teng.
Modimo Rara, nthekegele,
o ntsenye gape bongwaneng.
O se nkatlhole bogaleng,
o intshwarele mo Kristeng. -
O bue ka molomo fela
Iefoko la ‘ go le le reng:
Ngwanaka, kea go itshwarela,
se wele gape mo dibeng!
O se nkatlhole bogaleng,
o intshwarele mo Kristeng! -
Jaanong ke a go galaletsa,
ka o le yo o nkutlwileng.
Tumelo ya me e tlhomame,
ke gomotsega mo pelong:
Ga oMa nkatlhola bogaleng,
o intshwaretse mo Kristeng.
Ke motho wa maleo fela
