Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Jehofa kea go opelela

  1. Jehofa, kea go opelela,
    gobane o ntse o le yo ‘ busang.
    Go pila go go lebogela
    masego otlhe a o a mphileng.
    O nthute go opela leineng
    la ga Krisete Jesu yo ‘ ntshwetseng.

  2. Nkgogela, Rara, go Morwao,
    mme Morwa a nkgogele kwa Rareng.
    A Mowa o o tswang go wena
    o mpuse gotlhe-gotlhe maikutlong;
    ke nametsege thata mo pelong,
    ke go opelleboitumelong.

  3. Ao, Rara, utlwa merapelo
    e ke e rapelang mo difeleng!
    A ko o ntlhomogele pelo,
    fa ke go obamela mo moweng.
    A Mowa o nkgogele kwa o teng,
    go go opella ke le baMengeleng.

  4. Ee, Mowa wa ‘go o nkemela
    ka diphegelo tse di sa buiweng.
    O nthuta go rapela sentle,
    o supa, ke le ngwana Modimong.
    Mme ke tla rua boswa mo Jesung,
    ke bitsa “Abba, Rara” mo pelong.

  5. Fa pelo e ka bua jalo
    ka Mowa wa ‘go o ‘ itshepileng,
    o ntlhotlheletsa go le kalo,
    gone o ntlhomogela pelo teng:
    O nnaya tsotlhe tsotlhe bophelong,
    tse ke di kopileng mo tumelong.

  6. Ke kopa leineng la ‘ Jesu,
    Morapeledi wa me ‘godimong;
    ka e le kopo ya Morena,
    ke utlwa “Ee” le “Amen” Modimong.
    Jaanong ke nametsega mo moweng,
    ke tla go baka ka bosafeleng.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Jehofa kea go opelela