Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Haleluya! Moso ono

  1. Haleluya! Moso ono
    o monatenate jang!
    Rona ba re tsileng kwano
    re ba ba itumellang
    tshegofatso ‘ e leng teng
    mo go rona mo kerkeng.

  2. ‘Tsatsi le la go ikhutsa,
    ‘tsatsi ‘ le lapolosang,
    lone le, le phatsimela
    ba ba kgobokanelang
    merapelo tumelong
    le go tlotla Jesu Mong.

  3. Botsalano jwa Morena
    re bo utlwa mo pelong,
    jaaka monyo o rudisa
    ‘tlhogi tse di mo nageng;
    ke jo bo re thabisang,
    ke jo bo re phedisang.

  4. Ke tlogetse ‘tiro tsotlhe
    tse di ka kgoreletsang
    Jesu Kriste go ntirela,
    Kgosi e e nnonotshang
    go nna mo kabelanong
    ya baMitshepi Lefokong.

  5. Ke eletsa go apara
    kobo e e siameng,
    ke tshiamo ya ga Kriste,
    yona e e tshwanetseng:
    Madi a a tsholotsweng
    ruri, ke a ‘ ntlhapisang.

  6. Ke bolola ka ipelo
    go kgatlhantsha Jesu Krist’.
    Ke eletsa go kopanngwa
    le yo o nthekolotseng,
    le go bona mo moweng
    ene yo o nthatileng.

  7. Jesu Kriste, o Morena,
    utlwa se ke se kopang,
    jwala peo ya Lefoko
    mo pelong e ‘ rapelang,
    e nne peo e ‘ tlhogang,
    e e tla go ungwelang.

  8. A re fetse ‘tsatsi leno,
    ka fa re simolotseng.
    Nosa o godise peo,
    ‘Foko ‘ re le utlwileng,
    go fitlhella bofelong
    go nne Sontag ‘godimong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Haleluya! Moso ono