-
Go tlhaba ‘tsatsi mo mosong.
Modimo, tsena mo pelong;
o ‘tsatsi le le phatsimang,
Ieleka tse di fifatsang. -
S’ o sa ntlha ‘ ke se gopolang
e nne tebogo mo pelong;
o tsene go nna bophelong,
o nne mo go nna tumelong. -
Fa ke ya gona kwa kerkeng,
o ntshireletse mo tseleng,
ke ipaakanye mo pelong,
ke nne yo o itshwaretsweng. -
A pelo e nne e ‘ utlwang,
molomo e nne o ‘ bakang,
seatla e nne se ‘ nayang,
ke tlotle yo o tumileng. -
O kwale tsotlhe mo pelong,
ke se nne fela yo ‘ utlwang;
o nne yo o nthatafatsang,
ke nne modiri ditirong. -
Ke tlhole ke nne boikhutsong,
ke lapologe botshelong.
Mme o mphemele mo bathong
ba ba senyang letsatsi le. -
Jaanong ke tsena mo kerkeng
ka boMitumelo mo moweng;
ke tla nna fano dinaong
tsa Jesu Kriste boiketlong.
Go tlhaba ‘tsatsi mo mosong
