-
Go fedile mo kerkeng
thuto, kopo le go utlwa.
Jesu yo ‘ re ratileng,
ga re nke re be re khutla,
go go baka ka tumiso;
gonne re na le kagiso. -
Mme a re phatlalaleng,
re na le letlhogonolo
mo pelong le mo moweng,
re le filwe ka lorato.
Ao Morena, o re goge,
gore re se go tlhoboge. -
O re thuse pololong
le mo kgorogong ya rona.
Re tlamele leetong
le mo ditirong tsa rona.
Re fe boswa jwa ‘godimo,
re le bana ba Modimo.
Go fedile mo kerkeng
