Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

DitaMolo tse di Lokwalong

  1. DitaMolo tse di Lokwalong
    ke tsa Modimo ‘godimong,
    ke tse o di re neileng
    ka Moše teng kwa Sinaing.

  2. “Ke nna Morena yo ke leng
    Modimo osi medimong.
    Lo mpoifeng, lo inkanyeng,
    se fapogeleng medimong!

  3. Lo se bitseng metshamekong
    leina la Modimo, Rra!
    Lo le bitseng mo thapelong,
    lo o bakeng, o lebogeng!

  4. Sontaga mo itshepiseng,
    loM ikhutse, lo ye kwa kerkeng;
    Lefoko lo le bolokeng, dirang tse di tswang loratong!

  5. Tlotlang bagolo lefatsheng!
    Ba direleng, lo ba utlweng!
    Lo tla nna ba ‘ tshegofalang
    malatsi a lo a phelang.

  6. Lo se bolaye bogaleng,
    lo se ipusolosetseng,
    mme lotlhe lo direlaneng,
    ratang ba ba lo tlhoileng!

  7. Tlotlang lenyalo magaeng,
    lo ikanyege loratong;
    ilang bonyatsi malapeng,
    boaka a bo se nne teng.

  8. Lo se utsweng, se tsietseng,
    lo se patike mo thekong!
    Mme rapelang, lo nneng tirong,
    lo thuse motho yo ‘ tlhokang!

  9. Mme fa Io bua, se akeng,
    lo supe nnete mo puong;
    fa motho a se molatong,
    lo mo atlholeleng tshekong!

  10. Lo se nne ba ba eletsang
    tse motho o di ruileng
    gongwe mosadi wa yo mong’
    le batho ba ‘ mo direlang!”

  11. DitaMolo tse re di neilweng
    di re senola maleong.
    Ga se tse di re phedisang,
    di re lebisa Jesu Mong.

  12. Ka moo he a re tshabeleng
    go Jesu Kriste yo e leng
    Morekolodi molatong,
    mme re se wele tshenyegong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

DitaMolo tse di Lokwalong