Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Bakang Morena mo moweng

  1. Bakang Morena mo moweng,
    mmakeng ka dikopelo!
    Ka Haleluya mo tlotleng,
    lo bake ka tshwanelo.
    Bakriste, lo tsogeng,
    lo mo opeleleng!
    A ‘pako tse di mo kgatlhang
    di tlhatlogele kwa o teng!

  2. Ke yo o re itshwarelang
    ditshiamollo tsotlhe.
    Ke ene yo ‘ re fodisang
    mo matlhokong a otlhe.
    A re galaletseng
    yo o re thusitseng.
    O pelonolo mo moweng
    go ba ba mo bohutsaneng.

  3. Bakang yo ‘ re tsiseditseng
    botshelo le phologo!
    O phutha ba ba timetseng
    ka thero ya Lefoko.
    Ke ene yo ‘ utlwang
    ba ba mo rapelang;
    mme ba ba ikokobetsang
    ke ba ba mo galaletsang.

  4. Mme rotlhe a re lebogeng
    Modimo o wa rona.
    Legodimong le lefatsheng
    ke fa o busang gona.
    Letsang diletso fa,
    opang Haleluya!
    Ke one o ‘ re nonotshang
    ka ‘ Foko le le pholosang.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

B

Bakang Morena mo moweng