Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (5 rating, 1 votes)
Loading...

A re bakeng Modimo

  1. A re bakeng Modimo
    o ‘ re fileng masimo,
    go bona dijo gone
    tse re phelang ka tsone.

  2. O re neile pelo,
    mebele le maphelo;
    o di boloka tsotlhe,
    tsa rona le tsa botlhe.

  3. Mebele oa e tswesa
    le mewa oa e jesa;
    e bile o tswelela
    go e re bolokela.

  4. Morena o re tletse,
    o re siamisitse;
    o swetse dibe tsotlhe
    go re pholosa rotlhe.

  5. Ka Mowa wa ‘ Rraetsho
    reM ikanya kolobetso
    le sone Selalelo
    le ‘Foko la botshelo.

  6. Modimo oM itshwarela
    ka ene Jesu fela.
    Morago re tla bona
    dineo tse ditona.

  7. Rraarona, rea rapela,
    a ko o re tlamele;
    o re femele rotlhe
    le ba ga etsho botlhe.

  8. Re bolokele nnete,
    kgolego a e fete,
    re bakeleina la ‘go
    ka Jesu Kriste. Amen.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

A

A re bakeng Modimo