-
Ao, baakanyang dipelo
tsa lona ka kwa teng,
ikwatlhaeng lo boe
dibeng le timelong!
Ke mang ne yo o tlang?
Ke Kgosi, Mopholosi!
Ke ene Jesu Kriste
yo o re gololang. -
Lo siamise tsela
e o e tsamayang.
Iketleetseng lo tshole
Morena tumelong.
Tlosang megopolong
makgapha, oa a ila,
lo mmaakanyetse mmila,
a tsene dipelong. -
Fa lo ikokobetsa
lo ratwa Modimong;
mme fa lo ikgodisa,
lo wela tatlhegong.
Mme yo o mo nneteng,
a gogwa ke Modimo,
o ipaakanya pelo,
go tsena Kriste teng. -
Johane o tlhabile
mokgosi mo therong
a re, go latlhegile
yo o sa mo utlweng.
A rera sekakeng,
a bitsa batho botlhe,
a ba supetsa Kwana
e e ba ntshang dibeng. -
Nna ke tlhomoIa pelo,
ga ke yo ‘ tshwanetseng;
Morena, ntlhabolose,
ke nne yo ‘ nyorilweng;
o tsene mo pelong,
ka wena o ntsaletswe,
e bile o mpogetse,
ke nne yo o phelang.
Ao baakanyang dipelo


