Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Morena wa tlotlego

  1. Morena wa tlotlego,
    ke tla go tshola jang?
    Ke go tlhologeletswe
    le bontsi mo bathong.
    Ao Jesu, mponegele
    ka ‘sedi mo pelong,
    ke tle ke itse sentle
    se se go thabisang.

  2. Ba Sion ba gasitse
    dipalme mo tseleng;
    mme nna ke tsisa pako
    e e tswang mo pelong.
    Dipelo di a bina
    pakong le tumisong,
    di a go kgomarela
    ka gale tumelong.

  3. Re ne re tshela fela
    re le khutsafalong.
    Re ne re tlhoka puso
    e ‘ ka re phedisang.
    O tsile ka tse tsotlhe
    tse di ka re thusang,
    go dirafatsa tsotlhe
    tse di re thabisang.

  4. O tsile go nkgolola
    ke le mo dikgoleng;
    o tsile go ntshwatola
    dibeng le mo kgaleng.
    Ka nnete o nkabela
    dikhumo tumelong;
    di ka se ka tsa fela
    jaaka tse di ‘fatsheng.

  5. O tsile ka bonolo
    kwa go nna lefatsheng,
    ka’rato lo logolo,
    lo lo re lebanyeng
    le bone batho botlhe
    ba ba matshwenyegong
    le maketeng a otlhe,
    go re ntsha tatlhegong.

  6. Mme lona ba matlhoko,
    ba lo hutsafetseng,
    se lebaleng Lefoko,
    lo se itlhobogeng.
    Morena wa kgomotso
    o eme fa kgorong,
    o tla lo lapolosa,
    a nna le lona fa.

  7. Le fa lo itapisa
    jaanong le bosigong,
    ga lo na go mo tsisa
    ka thata mabogong.
    O tla tla ka boene,
    a tletse mo pelong
    lorato lo logolo,
    lo lo ntshang poifong.

  8. Go lalediwa lona
    ba lo reregileng
    go tla go itshwarelwa
    tse lo di diriIeng.
    Itseng, o tla lo tlela
    pholoso e ‘ tletseng;
    e bile o fa boswa
    ba ba mo ikanyang.

  9. Lo se ka lwa ba reetsa
    ba ba lo rogakang.
    Morena o falatsa
    ba ba mo nyaditseng.
    O tla tla e le Kgosi
    e ‘ thata mo tshekong,
    go fenya baba botlhe
    ba ba mo ganetsang.

  10. O tla tla go atlhola
    ba ba mo latlhileng.
    O tla tla go agisa
    ba ba mo ratileng.
    Ao Jesu, Jesu, tlaya,
    o re ntshe tshepelong,
    re fitlhe kwa go wena,
    kwa boitumelong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Morena wa tlotlego