Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Bulang dikgoro dipelong

  1. Bulang dikgoro dipelong,
    go tsene yo ‘ galalelang!
    Ke Kgosikgolo bareneng,
    ke Mopholosi lefatsheng,
    yo ‘ ntshang merafe tatlhegong.
    Ka moo a re duduetseng:
    Go tlotlwe mo bathong
    yo o mo romileng!

  2. Ke yo mogolo mo thusong,
    mo tshiamong le bonolong.
    O nosi fela boitshepong,
    o pelonolo mo moweng.
    Tlalelo yotlhe e ‘ leng teng
    o e khutlisa lefatsheng.
    Go tlotlwe yo o tlang,
    yo o re pholosang.

  3. Lefatshe le tlhogonno jang,
    le busiwang ke Kgosi e!
    Mme batho ba lesego jang,
    fa e agile dipelong!
    Morena yo o thabisang
    ke ‘tsatsi le ‘ re tlhabetseng.
    Go tlotlwe yo o tlang,
    yo o re gomotsang!

  4. Mo tsholeleng mo dipelong,
    lo mo direle Tempel teng;
    mme bontle jo ‘ e kgabisang
    ke mowa o ‘ mo lebellang.
    Foo go tla tsena Jesu, Mong,
    go lo phedisa dipelong.
    Go tlotlwe yo o tlang,
    yo o re humisang!

  5. Morena Jesu, tlaa jaanong,
    o tsene gona mo pelong
    ka kgoro e ‘ go buletsweng,
    o b’ o tle ka lorato teng;
    re tsamaise mo tseleng
    ka Mowa go ya legaeng.
    Re ba ba go tlotlang,
    Mong yo ‘ galalelang.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

B

Bulang dikgoro dipelong