Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Ka ‘tsatsi le re simolola

  1. Ka ‘tsatsi le re simolola
    ngwaga o mošwa mo kerkeng,
    mme re tshwanetse go gopola
    Morena Jesu yo ‘ tsileng
    go re lekola lefatsheng,
    go re golola mo dibeng.

  2. Re neilwe gape ka lorato
    go utlwa Jesu Lefokong;
    mme le fa re na le molato,
    o sa re bitsa mo therong.
    Ee, o re tiisa mo tseleng;
    ka moo a re mo lebogeng.

  3. Morena, re a go rapela,
    fitlhisa ‘Foko lefatsheng.
    Re reteletswe go dumela,
    fa re sa tsoswe borokong.
    O tletse sona lefatsheng,
    go re busetsa botshelong.

  4. Modimo Rara wa ba botlhe
    le wena Jesu, yo e leng
    Mothusi wa lefatshe lotlhe,
    le Mowa o ‘ itshepileng,
    yo o leng bongwe borarong,
    re go godisa phuthegong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Ka ‘tsatsi le re simolola