Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Sontaga o fetile

  1. Sontaga o fetile;
    kajeno ke utlwile
    tse ke di batlileng.
    Modimo o nthutile,
    o bile o nneile
    lesego le le tswang ‘Fokong.

  2. Morena o agile
    mo go nna ka Lefoko
    le ke le utlwileng.
    Ke kgona go robala,
    ka Jesu a tlositse
    melato yotlhe e ‘ ntshosang.

  3. Ke setse ke fodile,
    ka ke le Tempel ya ‘go,
    Modimo borarong.
    Lesedi ke le tshotse,
    ka wenao ntekotse,
    wa mphalodisa lefifing.

  4. Matshwenyo a ga Satan
    ga ke a tshoge thata,
    le fa a ntwantsha jang.
    A loso lo ka ntshosa?
    Nnyaa, Jesu a ntlhapisa
    maleo a a tshabegang.

  5. Ke tla ya go robala,
    mme wena o tla ntisa
    bosigo borokong.
    Ka wena ke tla bona
    Sontag yo mongwe gona
    kwa pele kwa legodimong.

  6. Ke tla lapolosiwa,
    mme Jesu o tla ntsosa,
    ke mmona kwa a teng;
    foo ke tla duduetsa,
    ke be ke galaletsa
    leina la ‘gwe lethabong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Sontaga o fetile