Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Go fedile mo kerkeng

  1. Go fedile mo kerkeng
    thuto, kopo le go utlwa.
    Jesu yo ‘ re ratileng,
    ga re nke re be re khutla,
    go go baka ka tumiso;
    gonne re na le kagiso.

  2. Mme a re phatlalaleng,
    re na le letlhogonolo
    mo pelong le mo moweng,
    re le filwe ka lorato.
    Ao Morena, o re goge,
    gore re se go tlhoboge.

  3. O re thuse pololong
    le mo kgorogong ya rona.
    Re tlamele leetong
    le mo ditirong tsa rona.
    Re fe boswa jwa ‘godimo,
    re le bana ba Modimo.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Go fedile mo kerkeng