Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Tlaang lo mpuleleng mojako

  1. Tlaang lo mpuleleng mojako,
    ke yo ‘ tsenang mo kerkeng
    gore ke nne teng ka pako
    le lethabo mo pelong;
    gonne go Modimo teng,
    o nkgomotsa mo moweng.

  2. Mong, ke tsile kwa go wena,
    wena tla go nna kerkeng!
    Fa o na le nna, Morena,
    ke yo o tshegofetseng.
    Tlaa o tsene mo pelong,
    o nkgogele tumelong.

  3. Nthusa, ke go atamele
    ke le yo ‘ go boifang.
    Tshola kopo le difela
    tse ke di go supelang.
    Bula tsebe mo kutlong,
    tsenya pelo ‘godimong.

  4. Rumafatsa pelo ya me,
    fa o jwala peo teng;
    sedifatsa tlhaloganyo,
    nnaya tse di tlhomameng;
    ke nne yo ‘ go ungwelang
    tsona tse o di batlang.

  5. Tiisa neo ya tumelo,
    yona e o e mphileng;
    e godise, e femele,
    e nne e e tlhomameng;
    a e nkgoge mo tseleng,
    e nkgorose legaeng.

  6. Bua, Kgosi, ke tla utlwa,
    nthome, ka fa o ratang;
    a ke se kgorelediwe
    go nwa metsi motsweding,
    go ja senkgwe Lefokong
    la kgomotso tlalelong.

  7. Jesu wa me, bula kgoro,
    o mphudise mafulong.
    Mmana wa ‘go o nkgorise,
    nkise kwa legodimong.
    Kwano go tlalelo jang!
    Koo go tse di thabisang.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Tlaang lo mpuleleng mojako