- Phuthego e humile thata
e e phelang mo Lefokong;
e ‘ dirisang le kolobetso
le go jesiwa Selallong
ka Mowa o o phedisang,
ka one o o re tiisang. -
Mme a tatlhego wee ya motse
o o phelang mo lonyatsang!
Kwa ‘Foko le tlhokang bautlwi,
ba kgotshe tse di lefatsheng.
Ke motse o ‘ ka tshwantshiwang
le ‘sope le le tshabegang.
3 Gomotsegang, lebang Jakobe,
a bona Bethel sekakeng;
bakriste ba ntlha ba phuthega
fa kae ba le baheitaneng?
Ba kgobokana dikgageng,
ba utlwa Efangele teng.
-
Ka moo ga go re belaetse,
go teng Modimo gona fa;
fa rona re utlwang Lefoko,
o itirela kerke teng.
Le fa re ‘ bannye mo palong
o tla re leba loratong. -
Le fa re kgobokana fano;
go bantsi ba ba dumelang;
le fa re sa ba bone mono,
re bongwefela Moreneng.
Lefoko le ‘ re phedisang,
le bone ke ba ‘ Ie utlwang. -
Morena, o re tshegofatse,
fitlhisa ‘Foko dipelong;
fa re abelwa Selalelo,
a re se tshole tumelong!
Re boe re le lethabong,
re go phelele bophelong. -
Re tlhomamise mo go ona
motheo o o thailweng;
ke wena Jesu Krist’, Morena,
o sele ruri ga o teng.
Re tlhomamise boikanyong,
fa go le ba ‘ re bogisang. -
Morena, re a go rapela,
o nne le rona dipelong;
a tsone e nne Tempel ya ‘go,
re hume jalo bophelong,
go ya re fitlhe Tempeleng
legodimong kwa Moreneng.
