Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Go boitshepo go monate

  1. Go boitshepo, go monate
    felo Jesu o leng teng;
    go tlotleng ka tlhoafalo
    ka go tsena mo kerkeng;

  2. gonne fano boitshwarelo
    bo elela mo bathong
    le kagiso le bophelo,
    jona jo bo tswang Jesung.

  3. Re tlhogonno go nna fano,
    bantsi ba mo sekakeng.
    Re jesiwa ka menate,
    bantsi ba swa mo tlaleng.

  4. Batho bantsi ba senyega
    ka lefifi mo moweng.
    Rona re a pholosiwa
    ka lesedi Beibeleng.

  5. Fa e kabo e se wena,
    Jesu yo o re swetseng,
    ruri re ne re tla tsena
    jaaka bone moleteng.

  6. Jesu, o re thuse jalo,
    go sepela leseding,
    gore re tle re tlhabantshe
    dilo tse di lefifing.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Go boitshepo go monate