-
Ke ‘tsatsi la Morena,
a re itumeleng!
Kajeno re gopola
yo o duleng phupung.
Ka Sontag yo wa rona
a re tseneng kerkeng,
go obamela gona
yo o re golotseng. -
Tempele e ya rona
ke yona e ‘ tletseng
masego a magolo
a a tswang Moreneng.
Tlaang re mo lebelele,
gore re mmone teng:
lesego le elele
go ba re rapetseng. -
Ao Jesu, re fudise,
o Kgosi merafeng,
o tle o re kgorise
ka dijo mo moweng.
Ke rata go nna nao
ke le mo lefatsheng,
ke tle ke phele nao
le ka bosakhutleng.
Ke ‘tsatsi la Morena
