Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Go tlhaba ‘tsatsi mo mosong

  1. Go tlhaba ‘tsatsi mo mosong.
    Modimo, tsena mo pelong;
    o ‘tsatsi le le phatsimang,
    Ieleka tse di fifatsang.

  2. S’ o sa ntlha ‘ ke se gopolang
    e nne tebogo mo pelong;
    o tsene go nna bophelong,
    o nne mo go nna tumelong.

  3. Fa ke ya gona kwa kerkeng,
    o ntshireletse mo tseleng,
    ke ipaakanye mo pelong,
    ke nne yo o itshwaretsweng.

  4. A pelo e nne e ‘ utlwang,
    molomo e nne o ‘ bakang,
    seatla e nne se ‘ nayang,
    ke tlotle yo o tumileng.

  5. O kwale tsotlhe mo pelong,
    ke se nne fela yo ‘ utlwang;
    o nne yo o nthatafatsang,
    ke nne modiri ditirong.

  6. Ke tlhole ke nne boikhutsong,
    ke lapologe botshelong.
    Mme o mphemele mo bathong
    ba ba senyang letsatsi le.

  7. Jaanong ke tsena mo kerkeng
    ka boMitumelo mo moweng;
    ke tla nna fano dinaong
    tsa Jesu Kriste boiketlong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Go tlhaba ‘tsatsi mo mosong