Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Le fa ke sa ntse ke tlhoka

  1. Le fa ke sa ntse ke tlhoka
    ke tshwengwa ke tse dintsi
    e bile ke se na thata
    ya go fenya ka bonna,
    ke tla tlhoafalla ena
    Mogolodi wa me yo.
    Le kajeno kea moM ikanya
    gonne ke yo o ntshwetseng.

  2. Fa ke na le Jesu Kriste
    ga ke tlhoke mo ‘fatsheng.
    Fa Mothusi a le gona
    ga ke boife go swa.
    Gonne ka ena ke fenya
    maleo le Satane,
    gonne ka ena ke bona
    boswa jo bo sa khutleng.

  3. Ee ka pelo ya me yotlhe,
    ke leboga ‘rato lo
    lo tshwanetsweng ka ntlha ya me,
    gore ke tle ke phele.
    Ee Morena kea leboga,
    ka ntlha ya lorato lo.
    A ko o nkise go wena
    ke tle ke go tumise.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Le fa ke sa ntse ke tlhoka