Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Ao mowa wa me baka

  1. Ao, mowa wa me, baka
    Morena yo o go ratang;
    o se ka wa lebala
    tse ene o di dirileng;
    o itshwaretse dibe
    tse di go imetseng,
    wa pholosiwa jalo,
    wa tsholwa bongwaneng;
    mme wa nnajaaka bontswi
    ba ba nonofileng.
    Morena o boloka
    ba ba mo ikanyang.
  2. O ne a re itsise
    go rata ‘ gagwe molaong
    le bopelontle jwa ‘gwe,
    e le yo ‘ re itshwarelang;
    o khutla go galefa,
    fa re le thapelong;
    re kopa boitshwarelo
    ka yo o re swetseng;
    o bopelotlhomogi
    go ba ba mmoifang;
    maleo a latlhetswe
    kgakala lewatleng.

  3. Morena o direla
    ba botlhe ba ‘ mo ikanyang;
    o tshwana le rra-bana
    yo o lorato mo baneng;
    o itse rona batho,
    fa re tswa leroleng;
    re tshwana le dithunya
    tse di tlhotlhoregang;
    fa phefo e di foka,
    ke tse di nyelelang;
    le ene motho jalo
    ke yo o tla felang.

  4. Mme bopelotlhomogi
    jo bo leng teng mo Modimong
    bo tlhomametse ruri,
    ee, bo ntse ka bosakhutleng;
    bo ikanngwa ke bone
    ba ba mo phuthegong
    kajeno le ka gale
    le ka go sa feleng;
    sa rona ke go mmoifa,
    re le kgolaganong,
    go supa ka ga gagwe,
    re le ba ba mmakang.

5.Morena o a bakwa
ke baengele ‘godimong;
e bile o direlwa
ke bone boitumelong;
le rona re eletsa
go mmaka difeleng,
gore go dirafale
se se mo tshwanetseng.
A a re tlhomamise,
re nne boikanyong;
re tla mo opelela
le ka bosakhutleng.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

A

Ao mowa wa me baka