Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Baka Morena tlhe mowa wa ka

  1. Baka Morena, tlhe, mowa wa ka!
    O mmake go ya kwa losong!
    Ke tla mo tlotla malatsi otlhe,
    ke sa ntse ke le yo ‘ tshelang,
    yo ‘ mphang botshelo lefatsheng;
    a ‘ bakwe ka bosakhutleng.
    Haleluya, Haleluya!

  2. Kgosi e tshwana le batho botlhe;
    e tla boela leroleng.
    T iro tsa yona di fela tsotlhe,
    fa e tlosiwa lefatsheng.
    Ka go se yo ‘ ka re thusang,
    re batla thuso Modimong.
    Haleluya, Haleluya!

  3. Ruri go sego yo thuso ya ‘gwe
    e leng Modimo wa ‘ Jakob,
    yo o sa kgaoganeng le ona,
    a itshwarella mo Kristeng.
    Ke mang yo o tla thusiwang?
    Ke ene yo o dumelang.
    Haleluya, Haleluya!

  4. O ne wa tlhola lefatshe lotlhe
    le dilo tsotlhe tse di teng.
    Tsotlhe di tla re dirafalela
    tse o di solofeditseng.
    Ke ona Mmusi lefatsheng,
    ke ona o ‘ ikanyegang.
    Haleluya, Haleluya!

  5. Ona o siamisetsa botlhe
    ba ba siamololetsweng.
    Bahumanegi le batlalelwi
    o ba kgorisa mo tlaleng.
    Mme ba ba bofilweng dibeng
    o ba funolla dikgoleng.
    Haleluya, Haleluya!

  6. Ee, le difofu oa di bonisa,
    mme bone ba ‘ gateletsweng
    le bone o ntse o ba godisa,
    fa e le ba ba dumelang.
    Mme o tlamela le baeng
    le dikhutsana mo tlaleng.
    Haleluya, Haleluya!

  7. Gape dikgato tsa batenegi
    o di thibela mo tseleng,
    gore lemena, fa ba le epa,
    go wele bone ka mo teng.
    Ke ona Kgosi merafeng.
    Bakriste,tlaang, itumeleng!
    Haleluya, Haleluya!

  8. Batho, lo bake yo ‘ leng mogolo,
    yo o re gakgamaditseng.
    Tsotlhe di tiise ka go re: Amen!
    Di mo tumise mo pakong.
    Lona ba gagwe, lebogang
    yo o leng bongwe borarong!
    Haleluya, Haleluya!

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

B

Baka Morena tlhe mowa wa ka