Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Haleluya! A re bakeng

  1. Haleluya! A re bakeng
    Modimo o o sa khutleng
    ka ‘fela se se o tlotlang,
    ka mowa o o lebogang:

  2. Ke ona Kgosi e ‘ busang
    le Rara yo o re ratang.
    A tsotlhe tse di botshelong
    di tsise pako Moreneng.

  3. Leina le le boitshegang
    ke lone le le opellwang
    ke baengele kwa troneng
    le baitshepi lefatsheng.

  4. O busa kwa legodimong,
    mme fela jalo mo bathong.
    O gaMisa ba ba humileng,
    o thusa ba ba bodiding.

  5. Balala ba ba palelwang
    ke bone ba o ba tiisang.
    E bile ba ba ikobang
    ke bone ‘ o ba godisang.

  6. Haleluya! A re bakeng
    Modimo o o sa khutleng
    ka ‘fela se se lebogang
    Morena yo o re busang.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Haleluya! A re bakeng