-
Bakang Morena mo moweng,
mmakeng ka dikopelo!
Ka Haleluya mo tlotleng,
lo bake ka tshwanelo.
Bakriste, lo tsogeng,
lo mo opeleleng!
A ‘pako tse di mo kgatlhang
di tlhatlogele kwa o teng! -
Ke yo o re itshwarelang
ditshiamollo tsotlhe.
Ke ene yo ‘ re fodisang
mo matlhokong a otlhe.
A re galaletseng
yo o re thusitseng.
O pelonolo mo moweng
go ba ba mo bohutsaneng. -
Bakang yo ‘ re tsiseditseng
botshelo le phologo!
O phutha ba ba timetseng
ka thero ya Lefoko.
Ke ene yo ‘ utlwang
ba ba mo rapelang;
mme ba ba ikokobetsang
ke ba ba mo galaletsang. -
Mme rotlhe a re lebogeng
Modimo o wa rona.
Legodimong le lefatsheng
ke fa o busang gona.
Letsang diletso fa,
opang Haleluya!
Ke one o ‘ re nonotshang
ka ‘ Foko le le pholosang.
Bakang Morena mo moweng
