Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Ipeleng ka lo lekotswe

  1. Ipeleng, ka lo lekotswe
    lotlhe ba lo Modimong!
    Jesu Krist’ o re golotse
    ka lorato tshenyegong.
    Bakang Jesu, bakang Jesu,
    ka re dule kgolegong!

  2. Thekololo eo e tletse
    batho ba ba lefifing;
    e ne ya ba dirafalla,
    ba nne kgololesegong.
    Bakang Jesu, bakang Jesu
    yo ‘ re ntshang mo timelong!

  3. Rotlhe re gakgamaditswe
    ke se a se dirileng.
    Ene yoo o humisitse
    ba re humanegileng.
    Bakang Jesu, bakang Jesu,
    Moreswedi Golgoteng!

  4. Ene Jesu ke mowetsi
    wa phologo ditšhabeng.
    Rona re baamogedi
    ba ba e lebogelang.
    Bakang Jesu, bakang Jesu,
    lotlhe ba lo mo itseng!

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Ipeleng ka lo lekotswe