Menu Close
1 Star2 Stars3 Stars4 Stars5 Stars (No Ratings Yet)
Loading...

Tlaa Motswedi wa masego

  1. Tlaa, Motswedi wa masego;
    gonne nna ke latlhegile.
    O nkutlwise nametsego
    ka Lefoko mo pelong.

  2. Jesu, ke a go rapela,
    a ko ‘ nthuse go opela
    ka dipsalme le difela
    tsa baagi leseding.

  3. O nne le nna mo ‘ntlheng tsotlhe
    le kwa ke yang teng ka gale;
    ke tla go ikanya gotlhe,
    ke tla fitlha kwa o teng.

  4. Timelong a ko o mpatle,
    Jesu, o se ka wa ntatlha.
    Ntsamaise, ke sepele
    mo tseleng e ‘ siameng.

  5. A ke se go leofele,
    wena Jesu yo ‘ lorato,
    yo o nthatileng le batho
    botlhe mono lefatsheng. 6Jesu yo ‘ swetseng lefatshe,
    o re tlhogonolofatse,
    o be o re tshegofatse,
    o re ise botshelong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Tlaa Motswedi wa masego