-
Godisang Morena,
lona baditšhaba,
mo itumelleng gagolo!
Ineeleng Morena
ka go mo dumela;
lo tle, lo ntse lo opela.
Mo lebeng,
mo itseng,
Mong wa batho botlhe,
yo o busang tsotlhe. -
Direlang Morena
ka boitumelo,
lo mo tlotle ka tshwanelo.
Tlaang fa go Morena,
lo mo obamele,
lo rapele ka dipelo.
Khubamang,
lebisang
pelo kwa go ena;
gonne ke Morena. -
Dumelang Morena,
ke Modimo Rara,
yo o re dirileng bana.
Ga re ba yo mongwe,
re ba gagwe fela,
yo o re fileng go tshela.
Tumelong,
Lefokong
re nna dinku tsa ‘gwe
bofulong jwa gagwe. -
Tsenang ka tebogo
ka dikgoro tsa ‘gwe,
lo bonale fa go ene.
Tsenang ka bonako
Tempeleng ya gagwe
ka tumelo le ka pako.
Lebogang,
tumisang
leMina la ‘gwe thata;
gonne oa lo rata.
Godisang Morena
