-
Kgosi ya mannete,
Mmusi wa ba botlhe,
tshola pako mo go rotlhe.
O bopelotelle,
ga oa re tlogela,
le fa re ne ra timela.
Utlwa tlhe,
se re nnyaa,
fa re obamela,
fa re go rapela. -
Wena legodimo,
baka o mo tlotle
le ditiro tsa ‘gwe tsotlhe!
Baka, wena ‘tsatsi
baka, wena ngwedi!
Bakang, lona dinaledi!
Godisang,
tumisang
Mmusi yo mogolo,
Kgosi e ‘ bonolo! -
Wena pelo ya me,
baka o opele
ka dipsalme le difela.
Ba lo nang le mowa
lo tumise mmogo,
mo lebeng ka nametsego!
Ga go teng,
yo e leng
Kgosi jaaka ene,
Mmusi le Morena. -
Tlaang ka Haleluya,
lona ba Morena,
ka lo solofela ena.
Tlaang ka Haleluya,
lona ba ga Kriste,
lo itshupe ka bonnete!
Opelang,
lebogang
jaanong le ka gale
ka bopelokgale!
Kgosi ya mannete
